Ka ge polelo e nabile, lehono re mo puwong ya setswana, re tla eteka gona.
Polelo e re, "Monna o bolawa ke se a sejelego", e nale bokao jwa gore dilo tse re di jesiwang kgotsa tse re di amogelang ka go rata di ka re senya. Go ka bo go bua ka dijo tsa mmele, kgotsa dilo tsa maikutlo le maikutlo a re di dumelang. Ka mantšu a mangwe, selo se o se dumeletseng mo matshelong a gago ka go se kgethe sentle, se ka nna sone se tla go timelang.
Tlhagiso mo botshelong jwa nnete
1. Mo go tsa mmele:
Motho a ka swa kgotsa a ka lwala ka ntlha ya dijo tse di sa siamang a di jesiwang, jaaka dijo tse di nang le bolwetse kgotsa tse di feteletsweng ka motswako o o kotsi. Le goja dijo tse disinyegilego kgotsa tsa mohuta o tee mehla le mehla.
2. Mo maikutlo le boitshwaro:
Mo temaneng e e tseneletseng, “go ja” ga go bolele dijo fela, go ka bo go raya go amogela maikutlo, mekgwa, kgotsa dikgopolo. Fa motho a dumela mo mekgweng e e kotsi, jaaka bohodu, bojalwa bo feteletseng, kgotsa go ikgokaganya le batho ba ba nang le maikaelelo a mabe, di ka nna tsona tse di senyang botshelo jwa gagwe. Ge motho a fela a ngongorega, go tla motlisetsa mafokodi mmeleng, gwaba gwa dira gore a be le matsapa a go mo amoga bophelo.
Thuto e e tswang mo polelong
* Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka se re se tsenyang mo mebeleng ya rona le mo megopolong ya rona.
* Go tshwanetse go lekanyetsa sengwe le sengwe, ka gonne selo se se bonalang se monate gompieno, se ka nna le ditlamorago tse di bohloko mo isagong.
* Ga go na ope yo o bolayang motho kwa ntle ga tumelo ya gagwe — gantsi re bolawa ke se re dumetseng gore se re siametse.
Go ja ga monna elego motho ga se goja ka molomo fela. Re ja ka ditsebe, re ja ka letlalo, re ja ka mahlo, re ja ka dinko. Bjalo go nyakega gore rebe le menagano ye e hlwekilego gore rekgone go phele maphelo a asiemego.
Re sa le gana feo, gona le ditaba tse dirego ge difhlile go motho a swanelwa ke go di fitisa esego bjalo di tlo mo imela tsa fetsa di mo wisa fase. A re boneng gore a re rwale ditaba tse ditshi mo tsebong ya rena. Ditaba diswana le dijo. Ge o jela kudu oa bipelwa.
Re kgopela gokwa go lena. Are ngwaleng, a re baleng, a re rutegeng re be re rute babangwe!

No comments:
Post a Comment